XtGem Forum catalog

Bare 'nao la me o kare la dimo
Ga ke a itira ke bopilwe le modimo
Ga ke kitla ke rothisa keledi
Tsotlhe ke baa go Ramasedi
Fa ba bua ka nna ga ba ke ba lapa
Ba a ntena ke tla ba ka tshabela Kapa

Gatwe leswe lame ke la kolojwana
Ba itebatsa mafoko a a reng motshega kgarejwana
Go ya ka bone ke nkga jaaka nakedi
Go bone ke re se tshegeng yo o weleng mareledi
Gongwe metsi a tla ntumela tlalo la me la phatsima
Ka phatsima go gaisa le yone naledi
Botshelo jwa me jwa se tlhole bo nna boima

Ba mpona seledung ke le boboa
Ba tseela gore ga ke itse sekgoa
Let me change tune and show 'em what am made of
What am doing is not show off
It is the best in me
It is what I was destined to be
I dont care what they say
Am going to do things my way
And stick to the attitude that you see everyday
Am the next motswako master
I hope le ka se ntebale
Let me say goodbye kana gatwe go balabala ga ngwana ga se botlhale